Dijo
From Wikipedia, the free encyclopedia
Dijo ke sengwe le sengwe se se jewang go tsenya dikotla mo mmeleng. Dijo di tswa mo dimeleng kgotsa mo diphologolong, mme di na le dikotla tse di botlhokwa jaaka mafura, di porotheini, di vithamini le di minerale. Sejo se jewa ke setshidi mme se tsene mo dikarolong tsa mmele go tlisa maatla le go tlisa kgolo ya mmele.
Bogologolo batho ba ne ba bona dijo ka mefuta e le pedi: go tsoma, go bapala le go lema. Gompieno bontsi jwa dijo tse di tlhokwang ke batho mo lefatsheng di dirwa mo madirelong a dijo.
Pabalesego ya dijo le go bona gore dijo di nna teng go lebeletswe thata ke makalana a tshwana le International Association for Food Protection, World Resources Institute, World Food Programme , Food and Agriculture Organisation le International Food Information Council. Makalana a a itebaganya le dikgang tsa tswelelopele, phetogo ya loapi, tsa tshomarelo dikotla, kgolo ya dipalo tsa batho, kgokelo ya metsi le go bona dijo.
Go bona dijo ke tshwanelo ya motho mongwejaaka ha go kailwe mo International Convenant on Economic, Social and Cultural rights (ICESCR)[1] go lemogwa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo jo bo lolameng, go akaretsa dijo tse di lekaneng le go tlhoka go bolawa ke tlala.